BreakFree
Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from BreakFree, Nonprofit Organization, Gaborone.
31/05/2026
Setshwantsho se se nkgopotsa dilo tse di utlwisang botlhoko. Se nkgopotsa nnete e e teng mo botshelong.
Ntwa ke sengwe sa ditiragalo tse di diregang kgapetsakgapetsa mo kgolegelong. Mme dintwa tse, bontsi jwa nako go dirisiwa dibetsa di tshwana le mechanyelo , dithoko le di garia tsa dithipana , dinxola. Go dirisiwa le nako mo ntweng tse fa o shakoba mmaba wa gago, o tlhopha nako e o ka mo ratelang ka yone wa mo tsidifatsa ka sengwe se se bogale kgotsa se se bokete .
Dingwe tsa dinako tseo ke fa mmaba a santse a Ile ntlwaneng ya boitiketso. Fa a santse a re o araba pitso ya tlholego, a utlwe ka modumo wa setswalo se ragiwa ka mashetla se feta fa pele ga gagwe ka lebelo. Fa a tsosa matlho a santse a kgaotswe pelo ke modumo wa lebati, a kopane le mochanyelo o fofa mo phefong o wela fa gare ga phogwana ya gagwe. Fa o sa go itaya gore o nyere, wa go digiwa ke marokgwe a a ko malenganeng a itshasa boloko jwa setho a leka go lebotsa phokojwe , a lebetse le gore ga a ise a golotse marokgwe le go itshotlha .
Nako nngwe ba go letela o tsena mo ntlung ya matlhapelo, a go fe nako o apole o tsene mo metsing o tlhape. Fela jaaka o itshasa sesepa mo tlhogong, o tlaa utlwa fela ka batho ba kua ba sia...fa a sa go tlhabe ka thipa a go pege one mochanyelo mo tlhogong. Fa o sa nyera wa go lemoga gore ga o a apara o le ko dikantorong o dutla madi.
Fa gongwe fa le nna mmogo mo celeng, o go tlogela fela le tlhotse le tlhokile kutleisisano. E re fela jaaka dipone tsa cell di tloga di timiwa, o bo o bona a mena mapai a gagwe a a alolola. Go alolola mapai go robalwa ke go supa gore go na le ntwa bosigo joo. Mme kana jaaka o bona a mena dikobo jaana, ke gore o batlile le digaria . Monna o tlaa kokorala foo o ipotsa gore a le wena ke o seka wa robala, wa tshokana o tlhabilwe ke legodu o thulametse.
Kgotsa o letela nako ya dijo. Fa go fodilwe mola wa dijo a netefatse gore o bone fa o teng mo moleng oo. Fela fa a sena go tsaya ntichi o tletse motogo o kgabakgaba ka ba o tshola o bela. A menolole ntichi eo mo sefatlhegong sa gago. Le fa gotwe wena o bodipa, eseng mo motogong o bela. Wa go thula Batho gotlhe le ditirata tse di mitlwa tlhogo e eme go dira metsotswana. Botlhoko jwa molelo bo noelela.
Ga o ipotse gore ke eng batho ba ba tswang kwa ba tshabelelwa ke bogale le bogoma? Mme legale eseng botlhe.
Se nne mongwe wa dipalo tse!
Click here to claim your Sponsored Listing.
Category
Contact the organization
Telephone
Website
Address
Gaborone
Opening Hours
| Monday | 09:00 - 17:00 |